Mark 16

Tsogo ya ga Jesu mo losong

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 16:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 16:1-2.
Mme mo maitseboeng a a latelang, fa Sabata e setse e fetile, Marea Magatalena le Salome le Marea mmaagwe Jakobe ba tsamaya ba ya go reka ditlolo go tlotsa setopo sa ga Jesu. Mo maphakeleng a magolo a letsatsi le le latelang fa letsatsi le tlhaba, ba tsaya ditlolo tseo ba ya natso kwa phupung.
3Mo tseleng ba bo ba ntse ba buisanya ka gore ba tlaa feta ba tlosa jang letlapa le legolo fa kgorong ya phupu.

4Mme ya re ba goroga ba leba ba bona gore letlapa le legolo le le bokete thata, le ne le setse le tlositswe mme kgoro ya lebitla ya bo e setse e bulegile!

5Hong ba tsena mo phupung, mme mo letsogong le legolo ga bo go ntse lekau le apere diaparo tse di tshweu. Mme basadi ba gamarega. 6Mme moengele a re, “Se boifeng. A ga lo batle Jesu wa Monasara yo o neng a bapotswe? Ga a yo fa! Bonang fa mmele wa gagwe o neng o robaditswe teng. 7Jaanong tsamayang lo ise molaetsa o kwa barutweng ba gagwe le kwa go Petere lo re: Jesu o lo eteletse pele go ya Galalea; lo tlaa mmona gone, fela jaaka a lo boleletse pele ga aa swa!”

8Basadi ba taboga ba tswa fa phupung, ba roroma ba tshogile thata mo ba neng ba palelwa ke go bua.

Go iponatsa ga ga Jesu le go tlhatloga ga gagwe

9E ne e le maphakela ka letsatsi la Tshipi mo mosong fa Jesu a tsoga mo baswing, mme motho wa ntlha go mmona e ne e le Marea Magatalena, mosadi yo Jesu o kileng a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e supa mo go ene.

10
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 16:11.
11
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 16:10-11.
Hong a fitlhela barutwa ba lela ka kutlobotlhoko mme a ba bolelela gore o bonye Jesu, le gore o tshedile. Mme ga ba a ka ba mo dumela!
12Morago ga letsatsi leo a iponatsa mo go ba babedi ba ba neng ba tsamaya ba tswa Jerusalema ba ya kwa nageng, mme ga ba a ka ba mo lemoga lwa ntlha ka gore o ne a fetogile setshwano. 13Mme ya re kwa bofelong fa ba lemoga gore ke mang, ba tabogela kwa Jerusalema go ya go bolelela ba bangwe, mme ga se ka ga nna le yo o ba dumelang.

14Kwa moragonyana a iponatsha mo barutweng ba ba lesome le motso ba sa ntse ba a ja. Mme a ba omanyetsa thata go tlhoka go dumela ga bone, ka botlhogo-e-thata jwa bone le go gana go dumela ba ba mmonyeng a sena go tsoga.

15Mme a ba raya a re, “Lo tshwanetse go ya mo lefatsheng lotlhe lwa rerela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo, gongwe le gongwe. 16Ba ba dumelang ba bo ba kolobediwa ba tlaa bolokwa. Mme ba ba ganang go dumela ba tlaa sekisiwa. 17Mme ba ba dumelang ba tlaa dirisa thata ya me go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe, ba tlaa bua dipuo tse di ncha. 18Ba tlaa nna le thata ya go tshwara dinoga ba babalesegile, mme fa ba a nwa le fa e le eng se se bolayang ga se kitla se ba utlwisa botlhoko: Ba tlaa kgona go baya balwetse diatla ba ba fodisa.”

19Erile Morena Jesu a sena go fetsa go bua le bone, a tsholelediwa kwa legodimong a ya go nna ka fa letsogong le legolo la Modimo.

20Mme barutwa ba tswa ba ya gongwe le gongwe ba rera, mme Morena a bo a na le bone, a tlhomamisa se ba se buang ka dikgakgamatso tse di diragalang morago ga melaetsa ya bone.
Copyright information for TsnLEF